MADUO: 100
NAKO: 2½ diura
Pampiri e, e na le ditsebe di le 7.
PAMPIRI YA BORARO (P3)
NGWANAITSEELE 2009
MOPHATO 12
DITAELO
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
KAROLO YA A: Tlhamo
KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le nngwe go tswa mo go KAROLO A, KAROLO B le KAROLO C.
Karolo NNGWE le NNGWE e simololwe mo tsebeng e NTŠHWA mme kwa bokhutlong jwa karolo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarabo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tlaa abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo le go baakanya tiro ya bona pele ba kwala.
KAROLO YA A: TLHAMO
POTSO 1
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 250 - 300 ka NNGWE fela ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo se neele setlhogo. O se ka wa lebala go thala letlhomeso/lenaneopaakanyo pele o kwala.
Mananeo a thelebišene a ke a ratang.
KGOTSA
Leba ditshwantsho tse di fa tlase mme o ntshe maikutlo a gago mabapi le tsona. Tlhopha setlhogo se le sengwe fela.
KGOTSA
Seabe se moithuti wa materiki a ka nnang le sona mo tsweletsong ya thuto mo setšhabeng.
KGOTSA
Matshwao a ditsela ga a tlhokege mo ditseleng.
Matshwao a ditsela a tlhokega mo ditseleng.
Tshomarelo ya nako e botlhokwa mo botshelong. Re neele maitemogelo a gago a botshelo.
KGOTSA
Ikonomi e e sa lolamang e tlisa ketsaetsego mo matshelong a rona.
KGOTSA
Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o ntshe maikutlo a gago ka ga sona.
Le Re Tlhabetse: EE Pooe le ba bangwe
KGOTSA
Kwala tlhamo e e felelang ka mafoko a, ''Le nna ke na le seabe mo tiragalong e''.
KGOTSA
Tshomarelo le mosola wa metsi di botlhokwa thata mo matshelong a ditshedi tsotlhe.
PALOGOTLHE YA KAROLO YA A:
KAROLO YA B: DITLHANGWA TSE DILEELE TSA TIRISANO
POTSO 2
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 120 - 150.
Kwalela mmaagomogolo lekwalo mme o mo tlhalosetse ka moo wena le monnao le fisitseng ntlo ka teng ka ntlha ya go omana ga lona.
KGOTSA
Feme nngwe e e rekisang dikhomphutara e phasaladitse tiro ya morekisi yo o nang le maitemogelo mo go yona. Kwala lokwaloikitsiso/maikao lo mo go lona o ikopelang phatlhatiro eo.
KGOTSA
Buisa molaetsa o o latelang, mme morago o kwale tsa Botshelo jwa moswi o ikaegile ka ona.
Tsala ya me, ke tla go gopola!
KGOTSA
Buisa molaetsa o o latelang, mme morago o kwale mmemorantamo.
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B:
Baithuti ba kobilwe mo sekolong ka ntlha ya go sa duele madi a sekolo.
KAROLO YA C: DITLHANGWA TSE DIKHUTSHWANE TSA TIRISANO
POTSO 3
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80 - 100. Fa o araba 3.3, mametlelela foromo mo pampiring ya gago ya dikarabo.
Thalela tsala ya gago karata ya taletso ya moletlo o o tsamaelanang le setshwantsho se se fa tlase.
KGOTSA
Borre ba motse wa lona ba rata go simolola go tlhokomela tikologo ya lona kgatlhanong le dinokwane. Jaanong kwala phasalatso e mo go yona o ngokang baagi go kgatlhegela dikakanyo tse.
KGOTSA
O bone tiro kwa lebenkeleng le le rekisang dibuka, jaanong ba go romeletse foromo e e latelang go e tlatsa. E tlatse mme morago o e romele.
NOMORO YA TLHATLHOBO: ... 
SEDIKA: ... 
Leina le sefane ... 
Letsatsi la botsalo ... 
Nomoro ya Lokwaloitshupo ... 
Aterese ya gago ... 
Khoutu ya Poso ... 
Nomoro ya mogala ya kwa gae ... 
Nomoro ya mogala wa letheka ... 
Nomoro ya mongwe wa lesika ... 
Dithuto:
Leina la sekolo sa bofelo ... 
Leina la Mogokgo ... 
Nomoro ya mogala ... 
Araba dipotso tse di latelang 12 - 15 ka 'Ee' kgotsa 'Nnyaya!'
A o itekanetse? ... 
Lenyalo ... 
Lekwalo la go kgweetsa ... 
Tshaeno ... 
Letlha la tshaeno ... 
Lefelo la tshaeno ... 
PALOGOTLHE YA KAROLO YA C:
PALOGOTLHE:
